Matseno
LEFAPHA LA BOITEKANELO
KANKERE YA DITHALA
BOITEKANELO JWA GAGO BO MO DIATLENG TSA GAGO
KANKERE YA DITHALA KE ENG?
Ke mofuta o o sa tlwaelegang wa kankere mo banneng. O tlhagelela mo dingwageng dingwe le dingwe fela o tlwaelegile thata mo banneng ba ba sa leng bašwa ba dingwaga tse 20 go ya 40. Ka gale thala e le nngwe fela e a amega. Setlhola kankere ya thala ga se itsewe. E ama banna ka nako ya fa ba tshwenyegile ka maungo a thobalano le go simolola lelapa.
Kankere ya thala e ikarabelela 0,75% go ya 1,46% ya dikankere tsotlhe mo banneng tse di begilweng kwa Rejisetareng ya kankere ka nako ya 1996 le 1997.
KE DITLHOPHA DIFE TSE DI MO KOTSING?
Banna ba ba nang le hisitori ya dithala tse di sa fologelang kwa tlase (di siamisitswe kana di sa siamisiwa). Kotsi e oketsega go fitlha go lemeno la 11. Basimanyana botlhe ba tshwanetse go tlholwa fa ba belegwa go bona dithala tse di sa fologelang.
Banna ba ba nang le tiragalo ya lelapa ya kankere yadithala.
Banna ba ba nang le bothata jwa go se ungwe.
TEMOGO YA E SALE GALE
Motho ka boena o lemoga bontsi jwa tse di sa tlwaelegang mo dithaleng. Tsela e e gaisang go bona tse di sa tlwaelegang ke ka go itlhatlhoba mo thalang.
T S E e dirwa ka manontlhotlho morago ga go tlhapa ka metsi a a bothito, go tlhapa go go bothito kana šawara. Bolelo bo dira gore kgetsana e repe, mme go dire gore go nne bonolo go lemoga dingwe le dingwe tse di sa tlwaelegang. Fa o le dingwaga di le 18 le go feta, latela dikgato tse kgwedi le kgwedi:
Tlhokomela borurugo bongwe le bongwe mo kgetsaneng.
Seipone se ka go tlhaga thuso.
Tlhatlhoba thala nngwe le nngwe ka mabogo a le mabedi. Baya tshupane le menwana e e fa gare ka fa tlase ga thala ka bokgonojwe ba beilwe mo godimo. Pitikisa thala ka bonolo magareng ga kgonojwe le menwana. O se ka wa tshoga fa thala e le nngwe e lebega e le kgolwane go na le e nngwe. Seno se tlwaelegile. Lengothe e e nang le kankere ka gale e fitlhelwa mo matlhakoreng a thala, mme a ka nna teng mo bogareng kana fa pele gadithala.
Bona sebopego se o ka reng tšhupu e e boleta fa morago ga dithala. Seno se bidiwa ephididamese, e e kgobokanyang le go rwala sepeme.
Itlwaetse sebopego se. O se ka wa e tsaya jaaka lengothe le le belaetsang.
Lebelela tse di latelang:
Lengothe le lennye le le se nang setlhabi mo thaleng. Ga se mangothe otlhe a a nang le kankere.
Thala e e oketsegileng.
Go ikutlwa o le boimanyana mo thaleng kana lengamung.
Phetogo mo mokgweng o thala e utlwalang ka teng.
Matsele a a oketsegileng le dithoba
Seedi se ka bonako se tlalang mo kgetsaneng.
Setlhabi mo thaleng.
DIKGATO:
Fa o na le setlhabi se se feteletseng sa thala - bona thuso ka bonako.
Fa go na le mangothe, koketsego, go ruruga kana phetogo mo phopholegong e ka tlala mo kgetsang - bona ngaka.
Fa go na le kutlwalo efe kana efe ya boimanyana kana setlhabi - bona ngaka.
Fa go na kgolo ya matsele le ditlhoko le/kana maikutlo a ka bonako a kgogomogo mo kgetsaneng - bona ngaka.
Fa go sa fitlhelwe sepe se se sa tlwaelegang - tswelela ka T S E go fitlha go dingwaga tse 40/45 ka bogolo.
GAKOLOGELWA
Kankere ya thala e a alafega, segolo fa e lemogilwe, mme ya alafiwa go sale ka pele.
Go tlosiwa ga thala e le nngwe ga go golafatse go ungwa kana tiro ya thobalano
